GO KETEKA DIKAI TSA RONA TSA BOSETHABA
Dikai tsa Bosethaba tsa rona ke dife
Dikai tsa bosethaba tsa rona ke tse e leng pono ya semmuso le matshwao a molomo tse di re supang jaaka sethaba. Dikai tsa bosethaba di tlhalosiwa go ya ka Molaotheo mme di diretswe go godisa poelano le kago ya sethaba. Mo molaotheong go tlhalosiwa gore Rephaboliki ya Aforika Borwa ke naga ya boipuso ba demokerasi e e theetsweng mo botlhotlhweng bo bo latelang:
Seriti sa motho, phitlhelelo ya tekano le tsweletsopele ya ditshwanelo tsa botho le tokologo.
Go se nne teng ga bomorafe le bong.
Bogolo ba molaotheo le taolo ya molao.
Tshiamelo ya go bouta ya bagolo ya botlhe, lenaneina la batlhophi ba bosethaba la gale, tlhopho ya tlwaelo, le tsela ya ditlhophadintsi ya mmuso wa demokerasi go tlhomamisa maikarabelo, go ikarabela le kamogelo.
Botlhotlhwa bo bo thadisetswa tsa Aforika Borwa e leng:
Folaga ya Bosethaba e re e bonang jaaka e fofa mo phefong
Pina ya Bosethaba e re e utlwang e tshamekiwa ka metlha ya semmuso e e opelwang ke rona kwa dikolong le kwa ditiragalong tsa metshameko.
Sekano sa Bosethaba se re se bonang mo meagong ya mmuso, dikwalo, dikoloi, jljl
Folaga ya Bosethaba setshwantsho se sennye sa folaga
Folaga e ntha ya Rephaboliki ya Aforika Borwa e ne ya tsenngwa mo tirisong ka di 27 Moranang 1994. E ne ya tsholediwa fela fa morago ga bosigogare jaaka sethaba se sea se ne se belegwa. Moakanyetso le mebala ya folaga ke thadiso ya mebala e megolo ya hisitori ya folaga ya Aforika Borwa , go tloga dinakong tsa pele go fitlha jaanong.
Go na le melawana e le mmalwa ya botlhokwa go e latela fa o dirisa Folaga ya bosethaba:
Folaga e tshwanetse go tsholwa ka tlotlo. Ga e a tshwanela go letlwa go gogwa mo fa fatshe kana go nna le sengwe se se tsamayang mo godimo ga yona.
Folaga e buisiwa jaaka buka - go tswa kwa godimo go ya kwa tlase le go tswa molemeng go ya mojeng. Ka jalo e tshwanetse go bontshiwa ka mokgwa o o nepagetseng.
Fa e bontshiwa ka go rapama, setsholetsathoto se tshwanetse go nna kwa molemeng wa mmogedi mme banta e khubedu kwa godimodimo.
Fa e bontshitswe go bapa le kana kwa morago ga mmui, e tshwanetse go bewa mo letsogong la letsogo la moja la mmui.
Fa Folaga ya Bosethaba e bontshiwa le difolaga tse dingwe, e tshwanetse go:
Tsholediwa pele le go folosiwa la bofelo
Mo molemeng wa babogedi fa e bontshiwa mo dipaleng tse di kgabaganyang pale ya teng e tshwanetse go nna fa pele ga pale ya folaga e nngwe
Mo go matheng ka tlhamalalo mo mokolokong le di/folaga e nngwe mme ka fa mojeng wa moago fa e fofisiwa le difolaga tsa bosethaba kana mafatshe a mangwe tsotlhe saese e e tshwanang le go fofisetswa kwa bogodimong bo bo lekanang.
Pina ya Bosethaba
Modimo tlhogonolofatsa Aforika
Tsholetsa lenaka la yona
Utlwa dithapelo tsa rona
Modimo tlhogonolofatsa, rona lelapa la gagwe, Morena boloka sethaba sa rona,
O khutlise dintwa le mathata,
Boloka o boloke sethaba sa rona,
Sethaba sa Aforika Borwa - Aforika Borwa.
Go tswa botaleng ba legodimo la rona,
Go tswa botennye ba lewatle la rona,
Go ralala dithaba tsa rona tsa leruri,
Koo makgotlho a nayang dikarabo teng,
Go utlwala pitso go kopana,
Mme mo kopanong re tla ema,
A re tsheleng le go kgaratlhela tokologo,
Mo Aforika Borwa lefatshe la rona.
Sekano sa Bosethaba setshwantsho se sennye sa sekano .
Seabe sa Sekano
Sekano sa bosethaba, kana sekai sa Naga, ke sekai sa pono se se kwa godimo sa Naga. Tsaya motsotso go sekaseka ditirigalo tsa botlhokwa mo botshelong ba gago - botsalo, lenyalo, loso le disetefekeiti tsa sekolo, lokwalo lwa mosepele la gago - tsotlhe di dirwa semmuso ke Sekano. Papetlana ya gago e nnye e na le sona mo go le lengwe la matlhakore a yona. Fa o tsamaile go tswa mo nageng go bona sekai se mo moagong wa embasi se go lemosa legae o le kgakala le legae. Sekano gape ke legare la karolo ya Great Seal, ka setso e sekasekiwang go nna sekai se se kwa godimo sa Naga. Maatla a a feletseng a fiwa lokwalo longwe lo longwe ka letshwao la Great Seal mo go lona, ka seno se kaya gore lo na le tshegetso ya Moporesidente wa Aforika Borwa.
Sekano se sea, se emela se se diretseng Aforika Borwa go tloga ka di 17 Lwetse 1910. Phetogo e bontsha maikaelelo a Mmuso go sedimosa phetogo ya demokerasi mo Aforika Borwa le kakanyo e ntha ya boswelanaga.
Bokhutlo
Dikai di ne di dirisiwa jaaka tsela e e bonolo ya go maatlafatsa ka demokerasi bogolosegolo MaAforika Borwa ba sebaka se se leele ba neng ba ntshitswe mo ditiregong tse dintsi tsa go dira ditshwetso mo nageng e. Dikai tsa mekgatlho ya polotiki di ne di dirisiwa ka ditlhopho tsa 1994 go lemoga bonolo mo dipampiring tsa baloto.
Dikai tse tharo tse dikgolo tsa bosethaba tse go mekamekanweng le tsona mo bukaneng e di emela demokerasi e ntha e le go emisetsa dikai tsotlhe tsa pele tse di lekanang. Botlhotlhwa bo bogolo bo bo tshegetsang dikai tse dintha tse ke poelano, kopano mo bontsing le kago sethaba. Ka dikai tse MoAforika Borwa mongwe le mongwe o a rotloediwa, siamisiwa, maatlafadiwa le go tlhotlhelediwa go tsaya tirego ya go tsaya sethaba se go tswa bogologolo bo bo kgaoganeng go ya bokamosong bo bo kopantsweng.
